Jesu o rapela kwa Gethesemane
36 Hong Jesu a ba lere fa moseleng wa tshimo ya Gethesemane, mme a ba raya a re ba nne fa fatshe mme ba lete foo a sa ntse a tsamaela fa pele go ya go rapela. 37 A tsaya Petere le bomorwa Sebede ba babedi Jakobe le Johane, mme a simolola go hutsafala le go huduega.
38 Mme a ba raya a re, "Mowa wa me o hutsafetse thata o bile o utlwile botlhoko mo go isang losung: Lo lebelele le Nna."
39 A ya fa pelenyana, a wela ka sefatlhogo fa fatshe, a rapela a re, "Rara! Fa go kgonega, a senwelo se se tlosiwe fa go nna. Mme ke batla thato ya gago, eseng ya me."
40 Mme a boela morago kwa barutweng ba bararo mme a ba fitlhela ba thulametse. Mme a bitsa Petere a re, "a lo no lo ka seka lwa lebelela le nna ka lobaka lwa selekanyo sa oura fela? 41 Lebelelang lo rapele. Esengjalo thaelo e tlaa lo fenya. Gonne mowa tota o a rata, mme mmele o bokoa thata!"
42 Gape a ba tlogela a ya go rapela, a re, "Rara! Fa senwelo se se sa kake sa feta fela fa ke sa se nwe sotlhe, a go rata ga gago go diragale."
43 A boela kwa go bone mme a fitlhela ba robetse, gonne ba ne ba otsela thata, 44 mme a boela gape mo thapelong lwa boraro, a boelela mafoko a o neng a ntse a a bua.
45 Hong a tla kwa barutweng a re, "Robalang lo itapoloseng, bonang! Nako e gorogile, ke okelwa mo diatleng tsa batho ba ba bosula! 46 Tsogang; a re tsamayeng! Bonang, motho yo o nkokang ke yoo o e tla!"