Pular para o conteúdo
Publicidade

Mateus 4

Thaelo ya ga Jesu

1 Mme Jesu a gogelwa ke Mowa o o Boitshepo kwa sekakeng, go ya go lekwa ke Satane. 2 Ka malatsi a le masome a mane le masigo a le masome mane o na a sa je sepe, mme a tshwarwa ke tlala.

3 Mme Satane a mo leka gore a fetole maje senkgwe. Mme a re, go tlaa supa fa o le Morwa Modimo.

4 Mme Jesu a mo raya a re, "Nnyaa! gonne dikwalo tsa re senkgwe ga se ka ke sa otla mewa ya batho: se re se tlhokang ke go reetsa lefoko lengwe le lengwe la Modimo."

5 Mme Satane a mo tsaya a mo isa setlhoeng sa Tempele mo Jerusalema. 6 A mo raya a re, "Itige o itshupe fa o le Morwa Modimo; ka dikwalo tsa re, Modimo o tlaa roma baengele ba One go go agelela gore o seka wa golafala,ba tlaa go agelela mo go sugagakaneng mo matlapeng a a kwa tlase."

7 Jesu a mo araba ka kgakalo a re, "Gape gatwe o se ka wa leka Morena Modimo ka teko ya boeleele.’ "

8 Mme Satane a mo tsaya a mo isa setlhoeng sa thaba e e goletseng kwa godimo thata mme a mo kaela dichaba tsa lefatshe le kgalalelo yotlhe ya tsone. 9 A mo raya a re, "Ke tlaa go fa mo gotlhe fa o ka khubama wa nkobamela."

10 Mme Jesu a mo raya a re, "Tloga fa Satane. Dikwalo tsa re, obamela Morena Modimo a le nosi. Reetsa ene fela.’ "

11 Mme Satane a mo tlogela mme baengele ba tla go mo direla.

Veja também