Pular para o conteúdo
Publicidade

Mathaio 4

18 Mme ya re ka letsatsi lengwe a tsamaya mo motlhabeng wa lotshitshi lwa Lecha la Galalea, a bona banna ba le babedi, bana ba motho, ebong Simone yo o bidiwang Petere le Anderea, ba le mo mokorong ba tshwara ditlhapi ka lotloa ka e ne e le batshwari le barekisi ba ditlhapi.

19 Mme Jesu a ba bitsa a re, "Ntshalang morago mme ke tlaa lo ruta ka fa lo ka tshwarang ka teng mewa ya batho." 20 Mme ba akofa ba tlogela matloa a bone ba tsamaya nae.

21 Ya re kgakalanyana mo motlhabeng wa lotshitshi, a bona bana ba motho ba bangwe gape ba le babedi, ebong Jakobe le Johane ba ntse mo mokorong le Sebede rraabo, ba roka matloa a bone; mme le bone a ba bitsa.

22 Mme ba akofa ba emisa tiro ya bone ba tsamaya nae, ba tlogela rraabo.

Veja também