3 A ba raya a re, "Go sego ba ba ingotlang gonne Bogosi jwa Legodimo ke jwa bone. 4 Go sego ba ba lelang gonne ba tlaa gomodiwa.
5 "Go sego ba ba bonolo gonne lefatshe lotlhe ke la bone.
6 "Go sego ba ba nyoretsweng tshiamo gonne ba tlaa e bona.
7 "Go sego ba ba pelontle le kutlwelobotlhoko gonne ba tlaa utlwelwa botlhoko.
8 "Go sego ba ba pelo di itshekileng gonne ba tlaa bona Modimo. 9 Go sego ba ba huhulelang kagiso, gonne ba tlaa bidiwa barwa Modimo.
10 "Go sego ba ba bogisediwang tshiamo, gonne Bogosi jwa Legodimo ke jwa bone.
11 "Fa lo kgobiwa lo bogisiwa, lo akelwa ka ntlha ya gore lo barutwa ba me, lo sego jang! 12 Itumeleng ka ga gone! Ipeleng thata! Gonne tuelo ya lona e kgolo e lo letile kwa legodimong. Mme gakologelwang gore, Baporofiti ba bogologolo le bone ba ne ba bogisiwa.