Go rata baba
43 "Go na le puo e e reng, ‘Rata ditsala tsa gago mme o ile baba ba gago.’ 44 Mme nna ka re: ‘Rata baba ba gago! Rapelela ba ba go bogisang!’
45 "Ka tsela eo lo tlaa bo lo dira jaaka bana ba boammaaruri ba Rraeno yo o kwa legodimong. Gonne o tlhabisetsa basiami le ba ba sa siamang letsatsi, a nesetse basiami le ba ba sa siamang pula ka go tshwana.
46 "Fa o rata ba ba go ratang fela, go thusang?, le ba ba bosula ba dira jalo. 47 Fa o siametse ditsala tsa gago fela, o farologanye jang le batho ba bangwe? Le baheitane tota ba dira fela jalo. 48 Mme lo tshwanetse lwa nna boikanyego, fela jaaka Rraeno yo o kwa legodimong a le boikanyego.