Pular para o conteúdo
Publicidade

Mathaio 6:1-6,16-18

Tsela ya go fa bahumanegi

1 "Mme elang tlhoko! Se direng tshiamo ya lona fa pele ga batho gore ba lo tlotle, fa lo dira jalo ga lona go bona tuelo e e tswang kwa go Rraeno yo o kwa legodimong. 2 Fa o naya mokopi mpho, se bue kaga yone mo mpepeneneng jaaka baitimokanyi ba dira: ba letsa ditorompeta mo dikerekeng le mo mebileng ya motse gore ditiro tsa bone tsa lorato di tle di bonwe! Ke a lo bolelela ka pelo yotlhe, ba setse ba amogetse tuelo yotlhe, e ba neng ba tlaa e bona. 3 Mme fa o direla mongwe tshiamo, ka sephiri, se bolelele lebogo la gago la molema se se dirwang ke lebogo la moja. 4 Mme Rraeno yo o itseng diphiri tsotlhe o tla go duela.

Go rapela

5 "Mme jaanong kaga thapelo. Fa lo rapela, lo se ka lwa nna jaaka baitimokanyi ba ba ipaang jaaka o ka re ke ba ba obamelang Modimo ka go rapela mo ponong ya mongwe le mongwe mo makopanelong a mebila le mo dikerekeng mo ba ka bonwang ke mongwe le mongwe teng. Ammaaruri ke yone tuelo yotlhe e ba tlaa lalang ba e bonye. 6 Mme fa o rapela, tsamaya o le nosi, o itswalele mo tlung mme o rapele Rraeno ka sephiri, mme Rraeno yo o itseng diphiri tsa gago, o tlaa go duela.

Go ikitsa dijo

16 "Jaanong ka ga go ikitsa dijo; fa o ikitsa dijo, o tlogela dijo ka maikaelelo a semowa, se dire jalo mo mpepeneneng, jaaka baitimokanyi ba dira ba leka go itlhontsha difatlhogo le go tlhoka go apara sentle gore batho ba ba utlwele botlhoko. Ammaaruri, ke yone tuelo e ba tlaa lalang ba e bonye.

17 "Mme fa o ikitsa dijo, apara sentle, 18 Gore le fa e le ope a seka a belaela gore o bolailwe ke tlala, fa e se Rraeno fela yo o itseng sephiri sengwe le sengwe. Mme o tlaa go duela.

Estes versículos te tocaram? Ore agora!

+581 estão orando agora.

Junte-se à corrente de oração.