Go kgala ba bangwe
1 "Se sekiseng mme ga lo na go sekisiwa! 2 Gonne ba bangwe le bone ba tlaa lo tsaya fela jaaka lo ba tsaya.
3 "Mme o tshwenyegelang kaga selabe se se mo leitlhong la mongwe ka wena fa o na le sehidikwe mo go la gago? 4 A o tlaa re, ‘Tsala, mma ke go thuse ke ntshe selabe seo mo leitlhong la gago; fa tota o sa bone ka ntlha ya sehidikwe se se mo go la gago’ 5 Moitimokanyi! Pele ntsha sehidikwe se se mo leitlhong la gago. Ke gone o ka bonang go thusa mongwe ka wena.