7 "Kopang, mme lo tlaa newa se lo se kopang. Batlang, mme lo tlaa bona. Kokonyang, mme lo tlaa bulelwa.
8 "Gonne mongwe le mongwe yo o kopang, o a amogela. Le fa e le mang yo o batlang, o a bona; fela fa o kokonya, o tlaa bulelwa. 9 Fa ngwana a kopa rraagwe dijo, a o tlaa neelwa lentswe mo boemong jwa tsone? 10 Fa a kopa tlhapi, a o tlaa neelwa noga e e nang le botlhole? Nnyaa! 11 Mme fa lona ba ba dipelo di thata, badira-dibe lo itse go fa bana ba lona dimpho tse di siameng, a Rraa-lona yo o kwa legodimong ga a na go naya ba ba mo kopang dimpho tse di siameng fela jalo?