2 Mme bonang! Molepero a atamela. A-khubama fa pele ga gagwe a obama a mo rapela a re, "Rra, fa o rata o ka mphodisa."
3 Mme Jesu a mo tshwara a mo raya a re "Ke a rata, fola." Mme gone fela foo lepero la nyelela. 4 Mme Jesu a mo raya a re, "O se ka wa bolelela ope; tlhamalalela kwa moperesiting go ya go tlhatlhojwa; mme o tlaa ntsha mpho e e batlwang ka molao wa ga Moshe wa balepero ba ba fodisitsweng, ebong bosupi jwa phatlhalatsa jwa gore o fodisitswe."