Publicidade

Mateus 8

Jesu o koba mewa e e maswe

28 Erile ba goroga ka fa ntlheng e nngwe ya lecha mo lefatshing la Bagadara, banna ba le babedi ba ba tsenyweng ke mewa e e maswe ba mo kgatlhantsha. Ba ne ba nna mo diphupung ba le diphatsa thata mo motho ope o neng a ka se ka a ralala golo foo.

29 Mme ba simolola go goela kwa go ene ba re, "O batlang mo go rona, wena Morwa Modimo? Ga o ise o nne le tshwanelo ya go re tlhokofatsa." 30 Serapa sa dikolobe se ne se fula kgakalanyana. 31 Jalo mewa e e maswe ya kopa ya re fa o re "kgoromeletsa ntle re, lelekele mo serapeng sele sa dikolobe."

32 Jesu a e raya a re, "Go siame, tsamayang" mme ya tswa mo banneng ya tsena mo dikolobeng, mme serapa sotlhe sa kgokologa mo thoteng ka bofefo sa wela mo metsing kwa tlase. 33 Mme badisa ba tsone ba sianela kwa motseng o o gaufi go ya go bolela kaga se se diragetseng. 34 Mme batho botlhe ba motse ba sianela go tla go bona Jesu, ba mo kopa gore a tsamaye a ba tlogele ba le bosi.

Veja também

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-28_14-13-17-