Publicidade

Mateus 8

5,6 Erile Jesu a goroga mo Kaperanama, mogolwane wa sesole sa Roma a tla kwa go ene mme a mo rapela go ya kwa lwapeng lwa gagwe go fodisa motlhanka wa gagwe wa mosimane yo o neng a le mo bolaong a bolawa ke bolwetse jwa teteselo a tlhoafaditswe ke setlhabi.

7 Mme Jesu a mo fetola a re, "Ke tlaa tla go mo fodisa." 8,9 Mme mogolwane a re, "Rra ga ke a lekana go go tseela kwa lwapeng lwa me gape ga go tlhokafale gore o tle. Fa o ka nna fela fa mme wa re, Fola, motlhanka wa me o tlaa fola! Ke a itse, ka gore ke ka fa tlase ga taolo ya baeteledipele ba me ba bagolo mme ke na le taolo mo masoleng a me, mme ke raya lengwe ke re, Tsamayamme le tsamaye, mme ke reye le lengwe ke re, Tlamme le tle, mme ke reye motlhanka wa me wa mosimane ke re, Dira se kgotsa selemme a se dire. Mme ke itse gore o na le thata ya go raya bolwetse jwa gagwe o re bo tsamaye mme bo tlaa tsamaya."

10 Jesu a nna foo a akabetse! Mme a retologela kwa bontsintsing jwa batho a re, "Ga ke ise ke ke ke bone tumelo e e tshwanang le e mo Iseraele! 11 Mme ke lo bolelela se, Badichaba ba le bantsi jaaka mogolwane yo wa Roma, ba tlaa tswa mo tikologong yotlhe ya lefatshe ba nna fa fatshe mo Bogosing jwa Legodimo le Aberahame, Isake le Jakobe. 12 Baiseraele ba le bantsi ba ba neng ba baakanyeditswe Bogosi, ba tlaa lelekelwa mo lefifing le le kwa ntle, mo felong ga selelo le tlhokofatso". 13 Hong Jesu a raya mogolwane wa Roma a re, "Tsamaya o ye lwapeng. Se o se dumetseng se diragetse!" Mme mosimane a fola ka yone nako eo.

Veja também

Publicidade
Bíblia Online Bíblia Online

Bíblia Online • Versão: 2026-06-28_14-13-17-