Morweetsana yo o suleng o tsosiwa mo baswing
18 Ya re a sa ntse a bua jaana, moruti wa ntlo ya thuto a tla a mo obamela a re, "Morwadiake yo mmotlana o sule, mme o ka mo rudisa fa o ka tla wa mo ama." 19 Ya re Jesu le barutwa ba gagwe ba sa ntse ba ya kwa lwapeng lwa moruti 20 mosadi yo o sa bolong go lwala bolwetse jwa tshologo ya madi mo teng ka dingwaga di le lesome le metso e le mebedi a tla a mo setse morago mme a ama momeno wa seaparo sa gagwe. 21 Gonne o na a akantse gore, "Fela fa nka mo ama ke tlaa fola."
22 Jesu a retologa a bua nae a re, "Morweetsana, gotlhe go siame! Tumelo ya gago e go fodisitse." Mme mosadi a fola ka yone nako eo.
23 Erile fa Jesu a goroga kwa lwapeng lwa ga Moruti, a bona bontsintsi jwa batho bo tsositse modumo mme a utlwa le moopelo wa phitlho, 24 A re, "Ba ntshetseng kwa ntle, gonne morweetsana ga a swa; o robetse fela!" Mme ba ne ba mo tshega ka tshotlo le ka go mo nyatsa! 25 Ya re fa bontsi jwa batho bo sena go tswela kwa ntle, Jesu a tsena mo teng kwa go neng go namaletse morweetsana mme a mo tshwara ka seatla, mme a nanoga a itekanetse sentle gape. 26 Mme pego ya kgakgamatso e e gakgamatsang e ya tlala mo lefatshing lotlhe.