2 Ka bofefo banna bangwe ba lere kwa go ene mosimane yo o teteselang a le mo phateng. Erile fa Jesu a bona tumelo ya bone a raya mosimane yo o teteselang a re, "Nametsega ngwana, gonne ke go itshwaretse dibe!"
3 Mme bangwe ba baeteledipele ba tumelo ba gowa ba re, "O a tlhapatsa, Monna yo a re ke Modimo!"
4 Jesu o ne a itse se ba neng ba se akanya mme a re, "Ke eng fa lo akanya megopolo e e maswe jaana? 5 A go thata go itshwarela dibe tsa gagwe go na le go mo fodisa? 6 Mme jalo he, go supa gore ke na le thata fano mo lefatshing go itshwarela dibe." Jalo a retologela kwa mosimaneng yo o teteselang a mo raya a re, "Tsoga o phuthe phate ya gago o ye lwapeng."
7 Mme mosimane a nanoga a tsamaya!