20 mosadi yo o sa bolong go lwala bolwetse jwa tshologo ya madi mo teng ka dingwaga di le lesome le metso e le mebedi a tla a mo setse morago mme a ama momeno wa seaparo sa gagwe. 21 Gonne o na a akantse gore, "Fela fa nka mo ama ke tlaa fola."
22 Jesu a retologa a bua nae a re, "Morweetsana, gotlhe go siame! Tumelo ya gago e go fodisitse." Mme mosadi a fola ka yone nako eo.