23 Erile fa Jesu a goroga kwa lwapeng lwa ga Moruti, a bona bontsintsi jwa batho bo tsositse modumo mme a utlwa le moopelo wa phitlho, 24 A re, "Ba ntshetseng kwa ntle, gonne morweetsana ga a swa; o robetse fela!" Mme ba ne ba mo tshega ka tshotlo le ka go mo nyatsa! 25 Ya re fa bontsi jwa batho bo sena go tswela kwa ntle, Jesu a tsena mo teng kwa go neng go namaletse morweetsana mme a mo tshwara ka seatla, mme a nanoga a itekanetse sentle gape.
Publicidade
Publicidade