Go bidiwa ga ga Mathaio
9 Fa Jesu a tsamaya mo phologelong ya tsela, a bona mokgethisi Mathaio, a ntse fa go kgethisediwang teng, mme Jesu a mo raya a re, "Tla o nne morutwa wa me."
10 Morago, fa Jesu le barutwa ba gagwe ba a ja dijo kwa tlung ya ga Mathaio, ga bo go le batsietsi ba le bantsi e le balalediwa ba ba itsegeng ka mekgwa e e maswe.
11 Mme Bafarasai ba kgotswa ba re, "Ke eng fa moruti wa lona a dirisanya le batho ba ba ntseng jaana."
12 Mme Jesu a ba raya a re, "Ka gore ba ba itekanetseng ga ba tlhoke ngaka, ba ke ba ba e tlhokang!" 13 Mme a oketsa a re, "Tsamayang lo ithute tlhaloso ya temana ya Lokwalo, ‘Ga se ditlhabelo tsa lona le dimpho tsa lona tse ke tshwenyegang ka tsone, ke batla gore lo nne le kutlwelobotlhoko’. Tiro ya me fano mo lefatshing ke go busetsa badiradibe mo Modimong e seng go tshwenyega ka batho ba ba siameng."