14 Mme ba tlaa mo kopa jang go ba boloka fa ba sa dumele mo go ene? Le gone ba ka dumela jang mo go ene fa ba ise ba ke ba bo ba utlwalele kaga gagwe? Gape ba ka utlwa jang kaga gagwe fa go sena ope yo o ba bolelelang?
15 Le gone mongwe o tlaa tsamaya jang a ya go ba bolelela fa mongwe a sa mo rome? Ke sone se Dikwalo di buang kaga sone fa di re, "Ana go go ntle jang dinao tsa ba ba rerang Mafoko a kagiso le Modimo, ba bo ba lere mafoko a a itumedisang a dilo tse di molemo." Ka mafoko a mangwe ke gore, go amogelesega thata jang ba ba tlang ba rera Mafoko a Modimo a a Molemo!
16 Mme ga se mongwe le mongwe yo e a reng a utlwa Mafoko a a Molemo a a amogele, gonne Isaia moporofiti o rile, "Morena, ke mang yo o ntumetseng fa ke ba bolelela?"
17 Mme le fa go ntse jalo tumelo e tla ka go reetsa Mafoko a a Molemo a, Mafoko a a Molemo kaga Keresete.