Paulo o dumedisa bakaulengwe ba gagwe
1,2 Febe, Mokeresete wa mosadi yo o rategang yo o tswang kwa motseng wa Kenkerea, o tlaa bo a tla go lo bona mo bogautshwaneng. O dirile ka bonatla mo phuthegong teng. Mo amogeleng jaaka kgaitsadia-lona mo Moreneng, lo mo amogele ka boitumelo jwa Sekeresete. Mo thuseng fela thata ka fa lo ka kgonang ka teng, gonne o thusitse ba le bantsi mo go tse ba di tlhokang, le nna tota o nthusitse.