Boutlwelobotlhoko jwa Modimo
1 Go siame, o ka ne kgotsa o re, "O ntse o bua kaga batho ba ba sa siamang thata jang!" Iketle pele! Le wena o tshwana nabo. Fa lo re ba ikepile ba tshwanetse go otlhaiwa, go ithaya lona gonne lo dira tsone fela ditiro tse ba di dirang. 2 Mme re itse gore Modimo mo tshekisong o tlaa otlhaya le fa e le mang yo o dirang dilo tse di tshwanang le tse. 3 A o gopola gore Modimo o tlaa sekisa o bo o atlhola ba bangwe ka ntlha ya go dira dilo tseo mme o go tlodise matlho fa le wena o ntse o di dira?