21,22 Mme jaanong Modimo o re supegeditse tsela e sele ya go ya kwa legodimong, e seng "ka go siama ga rona" le go leka go tshegetsa melao ya one, mme e leng ka tsela e ncha (lefa go ntse jalo tota ga e ncha, gonne dikwalo ga di bolo go bolela ka ga yone bogologolo). Jaanong Modimo wa re o tlaa re amogela o bo o re golola, o re supa "re se molato" fa re ikanya Jesu go tlosa dibe tsa rona. Mme le rona rotlhe re ka bolokwa mo go yone tsela e, ka go tla kwa go Keresete, ga gore sepe gore re bomang kgotsa gore ra re re ntse jang. 23 Ee, botlhe ba leofile; botlhe ba tlhaela kgalaletso ya Modimo; 24 mme le fa go ntse jalo Modimo o re supa "re se molato" wa go o leofela fa re ikanya mo go Jesu Keresete, yo mo bopelonoming jwa gagwe o tlosang dibe tsa rona kwa ntle ga tuelo epe.
Publicidade
Publicidade