Pular para o conteúdo
Publicidade

Baroma 4:17-21

17 Ke sone se dikwalo di se rayang fa di re Modimo o dirile Aberahame rara wa dichaba tse dintsi. Modimo o tlaa amogela batho botlhe mo dichabeng tsotlhe ba ba o ikanyang jaaka Aberahame a ne a dira. Mme tsholofetso e, e tswa mo Modimong ka bo one, o o dirang gore baswi ba tshele gape, ebile o bua ka ditiragalo tsa malatsi a a tlang ka tlhomamiso e e gagametseng jaaka o ka re di setse di bile di diragetse!

18 Jalo erile fa Modimo o raya Aberahame o re o tlaa mo naya ngwana wa mosimane yo o tlaa nnang ra-merafe e mentsi e bo e nna chaba e tona, Aberahame o ne a dumela Modimo le fa tsholofetso e e ntseng jalo e ne e ka seka ya diragala!

19 Mme ka ntlha ya gore tumelo ya gagwe e ne e nonofile, o ne a seka a tshwenyega kaga lobaka lwa gore o ne a tsofetse thata go ka nna motsadi, ka nako eo o ne a le dingwaga di le lekgolo, le ene Sara mosadi wa gagwe o ne a le dingwaga di le masome a fera bongwe, a tsofetse thata go ka nna le ngwana.

20 Mme Aberahame ga a ise a ke a belaele. O ne a dumela Modimo, gonne tumelo ya gagwe le tshepo di ne di nonofile, mme o ne a galaletsa Modimo, ka masego a, le pele ga a diragala. 21 O ne a tlhomamisa thata gore Modimo o ne o kgona sentle go dira le fa e le eng se o se solofeditseng.

Estes versículos te tocaram? Ore agora!

+581 estão orando agora.

Junte-se à corrente de oração.