Boitumelo jwa malatsi a a tlang
18 Le fa go ntse jalo dipogiso tsa rona tsa malatsi ano ga se sepe fa di tshwantshiwa le kgalalelo e o tlaa e re nayang mo nakong e e tlang. 19 Gonne lobopo lotlhe lo letetse lone letsatsi leo ka bopelotelele le ka tsholofelo fa Modimo o tlaa bo o tsosa bana ba one. 20,21 Gonne mo letsatsing leo mitlwa, mesetlho, sebe, loso le go bola, dilo tse di neng tsa fenya lefatshe kgatlhanong le keletso ya lone mo taolong ya Modimo di tlaa nyelela tsotlhe, le lefatshe le le re dikologileng le tlaa nna le seabe mo kgololesegong e e galalelang e bana ba Modimo ba e itumelelang ka go bo ba kgaogane le boleo. 22 Gonne re itse gore le dilo tsa tlholego, jaaka diphologolo le ditlhare, di boga bolwetse le loso di sa ntse di emetse tiragalo e kgolo e. 23 Mme le rona tota Bakeresete, le fa re na le Mowa O O Boitshepo mo go rona e le ketapele ya kgalalelo ya malatsi a a tlang, re tshwenyega gore re gololwe mo ditlhabing le mo tshotlegong. Le rona, ka tlhwaafalo re letetse letsatsi leo le Modimo o tlaa re neelang ditshwanelo tsa rona tsotlhe jaaka bana ba one, le mebele e mesha e o e re solofeditseng, mebele e e se kitlang e tlhola e lwala gape ebile e se kitla e tlhola e e swa.
24 Re bolokilwe ka tsholofelo. Jalo he, tsholofelo e raya tebelelo ya go nna le sengwe se re iseng re nne naso, gonne motho yo a setseng a na le sengwe ga a tlhoke go solofela le go dumela gore o tlaa nna naso. 25 Mme fa re tshwanetse go nna re ikanya Modimo ka sengwe se se iseng se diragale, go re ruta go letela ka bopelotelele le ka boikanyo.
26 Gape ka yone tsela eo, ka tumelo ya rona, Mowa O O Boitshepo o re thusa mo matshwenyegong a rona a malatsi otlhe le mo go rapeleng ga rona. Gonne ga re itse le se tota re tshwanetseng go se rapelela, le ka fa re tshwanetseng go rapela ka teng; mme Mowa O O Boitshepo o re rapelela ka maikutlo a e leng gore ga a ka ke a tlhalosiwa ka mafoko ape. 27 Mme Rara yo o itseng dipelo tsotlhe o a itse, se Mowa o se buang jaaka o re rapelela ka kagiso le ka fa go rateng ga Modimo.