26 Gape ka yone tsela eo, ka tumelo ya rona, Mowa O O Boitshepo o re thusa mo matshwenyegong a rona a malatsi otlhe le mo go rapeleng ga rona. Gonne ga re itse le se tota re tshwanetseng go se rapelela, le ka fa re tshwanetseng go rapela ka teng; mme Mowa O O Boitshepo o re rapelela ka maikutlo a e leng gore ga a ka ke a tlhalosiwa ka mafoko ape. 27 Mme Rara yo o itseng dipelo tsotlhe o a itse, se Mowa o se buang jaaka o re rapelela ka kagiso le ka fa go rateng ga Modimo.
Publicidade
Publicidade