Phenyo ka Jesu Keresete
28 Jalo he, re itse gore gotlhe mo go re diragalelang go re direla bomolemo fa re rata Modimo ebile re tsena sentle mo maikaelelong a one.
29 Gonne go simologa kwa tshimologong Modimo o ne wa ikaelela gore ba ba tlang kwa go one, ebile ka o ne o ntse o itse gore e tlaa nna bo mang, ba tshwanetse go nna jaaka Morwaa one, gore Morwaa one a tle a nne motsalwa pele mo bakaulengweng ba le bantsi.