Phenyo ka Jesu Keresete
28 Jalo he, re itse gore gotlhe mo go re diragalelang go re direla bomolemo fa re rata Modimo ebile re tsena sentle mo maikaelelong a one.
29 Gonne go simologa kwa tshimologong Modimo o ne wa ikaelela gore ba ba tlang kwa go one, ebile ka o ne o ntse o itse gore e tlaa nna bo mang, ba tshwanetse go nna jaaka Morwaa one, gore Morwaa one a tle a nne motsalwa pele mo bakaulengweng ba le bantsi. 30 Mme erile Modimo o sena go re itlhophela, o ne wa re biletsa kwa go one; mme erile fa re tla, wa re supa "re sena molato", wa re tlatsa ka bomolemo jwa ga Keresete, wa re naya tshiamelo ya go ema le one, re le ba ba siamisitsweng, wa ba wa re solofetsa kgalalelo ya one.
31 Tota fela re ka reng kaga dilo tse di ntseng jaana tse di hakgamatsang? Fa Modimo o re eme nokeng, emang yo o ka nnang kgatlhanong le rona? 32 Ka Modimo o ise o ke o be o rekegele Morwaa one o ne wa mo ntshetsa go nna setlhabelo sa rona rotlhe, a le ene tota ga a na go re naya sengwe le sengwe? 33 Ke mang yo o ka re bayang molato rona ba re itshenketsweng ke Modimo gore re nne ba one? A Modimo o tlaa dira jalo? Nnyaa! Ke one o o re itshwaretseng wa ba wa re naya tshwanelo ya go ema nao.
34 Emang jaanong yo o tlaa re sekisang? A Keresete o tlaa dira jalo? Nnyaa! Gonne ke ene yo o re swetseng a bo a boela mo botshelong gape ka ntlha ya rona, mme jaanong o ntse mo lefelong la tlotlo e kgolo go bapa le Modimo, ebile o a re rapelela.
35 Emang jaanong yo o ka re kgaoganyang le lorato lwa ga Keresete? Fa re na le mathata kgotsa re le mo tlalelong, fa re tsongwa kgotsa re bolawa, a ke ka ntlha ya gore ga a sa tlhole a re rata? A mme fa re bolawa ke tlala, kgotsa re sena madi, kgotsa re le mo diphatseng, kgotsa re tshosiwa ke loso, a Modimo o a bo o re latlhile?
36 Nnyaa, gonne Dikwalo di re bolelela gore ka ntlha ya gagwe re tshwanetse go ipaakanyetsa go lebagana le loso ka nako nngwe le nngwe ya letsatsi, re tshwana fela le dinku tse di emetseng go tlhajwa.
37 Mme mo godimo ga mo gotlhe, phenyo e kgolo ke ya rona ka Keresete yo o re ratileng a bo a re swela.
38 Gonne ke tlhomamisa gore ga go na sepe se se ka re kgaoganyang le lorato lwa gagwe. Loso ga lo ka ke, le botshelo ga bo ka ke. Baengele ga ba ka ke, le dinonofo tsotlhe tsa molete ga di ka ke tsa re kgaoganya le lorato lwa Modimo. Dipoifo tsa rona tsa gompieno, boitlhobaelelo jwa rona kaga letsatsi le le latelang, 39 kgotsa fa re leng teng kwa godimodimo ga loapi, kgotsa mo lewatleng le le boteng-teng, ga gona sepe se se tlaa kgonang go re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo supilweng ke Morena wa rona Jesu Keresete fa a re swela.