Go reetsa se se buiwang ke Modimo
19 Bakaulengwe, se lebaleng gore go botoka go reetsa thata, le go bua go le gonnye mme o sa tlale bogale;
21 Ke gone latlhang gotlhe mo go sa siamang mo botshelong jwa lona, ke gore ka fa teng ga gago le ka fa ntle, mme ka boingotlo itumeleleng molaetsa o montle o re o amogetseng, gonne o nonofile go boloka mewa ya rona jaaka e le One o o tshwereng dipelo tsa lona.
22 Gape gakologelwang gore molaetsa o, o tshwanetse go obamelwa, eseng go reediwa fela. Ke gone se itsietseng. 23 Gonne fa motho a reetsa fela a sa o obamele o tshwana le motho yo o itebileng sefatlhogo mo seiponeng; 24 gonne fela jaaka a tsamaya, ga a tlhole a ipona, gape ga a sa tlhole a gakologelwa gore o lebega jang.
25 Mme fa mongwe a tswelela ka go lebela pele mo molaong wa Modimo wa batho ba ba gololesegileng, ga a kitla a o gakologelwa fela, mme o tlaa dira se o se buang, mme Modimo o tlaa mo segofatsa thata mo go sengwe le sengwe se o se dirang.