3 Re ka dira gore pitse e tona e retologele kwa re batlang e ya teng ka tomonyana e e mo molomong wa yone.
4 Le lomatsanyana (seterebonyana) lo dira gore sekepe se se tona se retologele gongwe le gongwe kwa mokgweetsi a batlang se ya teng, le fa diphefo di tsubutla.
5 Fela jalo loleme le lone ke selo se sennyennyane, mme lo ka dira tshenyo e kgolo thata. Sekgwa se se tona se ka tshujwa ke tlhasenyana. 6 Mme loleme ke kgabo ya molelo. Lo tletse tshiamololo ebile lo leswafatsa tokololo nngwe le nngwe ya mmele. Mme loleme lo tlhosediwa ke molete ka sebele, jalo lo ka fetolela matshelo a rona otlhe mo kgabong e e lakaselang ya tshenyo e kgolo.
7 Batho ba katisitse, kgotsa ba ka katisa, mofuta mongwe le mongwe wa phologolo kgotsa nonyane e e tshelang le mofuta mongwe le mongwe wa segagabi le ditlhapi, 8 mme ga go na ope yo o ka katisang loleme. Ka malatsi otlhe lo ipaakanyeditse go tsholola botlhole jwa lone jo bo bolayang.